Empowering peripheral writing: a case of South African Black English (SABE).
12 February 2013Tshobokanyo: Melebo ya molebopopego le molebotlhaeletsano e na le go leba boitshwaro jwa tekatenano le maitsholo a setemokerasi ka mokgwa o o fosagetseng fa go tlhalosiwa Seesimane sa Bantsho ba Aforika Borwa (SBAB). Fa mo letlhakoreng le lengwe ba amogela gore ditumalano tsa dikwalo di a farologana mo merafeng ka go farologana ga yona, melebo e, fa gongwe ga e netefatse gore ditumalano tsa dikwalo di fitlhelega ka go lekana mo bakwading botlhe le go nna le mosola o o lekanang. Ka mafoko a mangwe, le fa ba amogela dipharologano tse, melebo e ya popego le tlhaeletsano ga se gantsi e lekalekanya dipharologano le dikamano tse di sa lekalekaneng tsa dithata. Ka ntlha ya se, gantsi e ikgatholosa go tlhoka maatlafatso le go ikamologanya le baithuti ba dikwalo tsa bona di ikgatholosiwang le go sa tsewe tsia. Patlisiso e, e dirisa molebo wa patlisiso ya mekgwamentsi ya thuto ya saense ya merafe e e farologaneng ka go sekaseka ditlhamo di le 82 tsa baithuti ba ngwaga wa ntlha wa molao ba ba ithutang khoso ya kgopololo ya go kwala ka mokgwa wa seakatemi. Patlisiso e e amogela ponalo ya morago ga molebopopego mme e sekaseka dikwalo e seng fela jaaka dilo tse di thata tsa puo le ditiro tsa molomo kgotsa tse e seng tsa molomo mme e lemoga le khuetso ya ditiro tse di tlholang go nna teng ga botho le go ntsifala ga merafe gore e tle e tlamele merafe e e feeketsang e mengwe ka ditshwanelo tsa dikgatlhegelo tsa bona. Ka jalo, dikwalo ga di tsewe jaaka tse di sa tseyeng letlhakore ka gonne di na le bokao jwa setso le jwa ditumelo e bile di rotloetsa ka moo batho ba iponang le go bona seabe sa bona ka teng mo setšhabeng. Le fa ba amogela gore baithuti ba ba ikgatholosiwang ba tshwanelwa ke go tlhokomela melawana ya thutapuo le go tlhaeletsana ka tshwanelo, pampiri e, e botsa dipotso tsa mofuta oo, tse di jaaka tse: Melawana e, e tlhokomela dikgatlhegelo tsa ga mang? A go na le setlhopha sengwe sa melawana se se ka atolosang dikgonagalo tsa moithuti? E tswelela gape go tlhotlhomisa potso ya gore a mme phatloso e e dirisang SBAB jaaka sediriswa le ntlha ya go fitlhelela Seesimane sa maemo a a kannweng, e ka amogelwa. Le fa phatloso e e ntseng jalo e lemoga tlhokego ya baithuti ba ba ikgatholosiwang gore ba fitlhelele Seesimane sa maemo a a kwannweng ka gonne fa ba sa dire jalo, ba tla tswelela go ikganela mo dilong, phatloso e, e netefatsa gore setaele sa baithuti ba, se se tshwanang se le nosi, boitshupo jwa bona, le dingwao tsa bona di somarelwe. Phatloso e e ntseng jalo e ka se maatlafatse baithuti ba ba ikgatholosiwang fela e tla ba maatlafatsa ka mokgwa o ba iponang ka ona le seabe sa bona mo setšhabeng.